13/05/2026
MOLETLO O O MOGOLO WA TLHATLOGO YA MORENA
Thuto Ya Ntlha | Ditiro 1: 1-11
Lokwalo lwa pele ke lo kwadile, wena Theofilo, ka ga tsotlhe tse Jesu o simolotseng go di dira le go di ruta, go fitlha mo letsatsing le a tlhatlositsweng ka lone, a sena go laola baapostolo ka Mowa o o Boitshepo ba a ba itlhaoletseng. Ke bone ba morago ga go boga ga gagwe a bileng a ba ipontsha e le yo o phelang ka ditshupo tse dintsi, a bonala mo go bone malatsi a le 40, a ntse a bolela tsa puso ya Modimo. E rile ba phuthegile nae, a ba laela gore ba se ka ba tloga mo Jerusalema, mme ba lebelele tsholofetso ya Rara, e o reng: “Lo e utlwile mo go nna. Gonne fa e le Johane, o ne a kolobetsa ka metsi, mme lona lo tla kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo go ise go fete malatsi a mantsi.”
Jaanong ba ba neng ba phuthegile ba mmotsa ba re: “Morena, a o tla boa o tsosetsa Iseraele bogosi ka sebaka seno?” A ba araba a re: “Ga go a lo tshwanela go itse metlha gongwe dinako tse Rara o di beileng ka thata ya gagwe. Mme lo tla bona nonofo ya Mowa o o Boitshepo, motlhang o tlang mo go lona; lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema le mo Jutea yotlhe le mo Samaria le go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe.” Ya re a sena go bua dilo tse, a tlhatlosiwa, ba ntse ba lebile; mme leru la mo tlosa mo ponong ya bone.
Ya re ba sa ntse ba leletse kwa legodimong a ntse a tlhatloga, ga ema banna ba le babedi fa go bone, ba apere diaparo tse ditshweu,ba re: “Lona banna ba Galelea, lo emetseng lo leletse kwa legodimong? Jesu yole yo o tsholeleditsweng kwa legodimong, a tswa mo go lona, o tla boa a tla fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong.”
Pesalema 47: 2-3, 6-7, 8-9
MODIMO O TLHATLOGA KA TUDUETSO, MORENA O TLHATLOGA KA TUMO YA PHALA
Lona merafe yotlhe, opang diatla,
dudueletsang Modimo ka kopelo ya maipelo!
Gonne Morena Mogodimodimo o a boitshega;
ke kgosi e kgolo mo lefatsheng lotlhe.
MODIMO O TLHATLOGA KA TUDUETSO, MORENA O TLHATLOGA KA TUMO YA PHALA
Modimo o tlhatloga ka tuduetso,
Morena o tlhatloga ka tumo ya phala.
Opelelang Modimo pako, o opeleleng;
opelelang kgosi ya rona pako, opelang!
MODIMO O TLHATLOGA KA TUDUETSO, MORENA O TLHATLOGA KA TUMO YA PHALA
Gonne Modimo ke kgosi ya lefatshe lotlhe;
opelang sefela se se utlwalang.
Modimo o busa merafe;
Modimo o ntse mo sedulong sa bogosi sa ona se se boitshepo.
MODIMO O TLHATLOGA KA TUDUETSO, MORENA O TLHATLOGA KA TUMO YA PHALA
Thuto Ya Bobedi | Baefeso 1: 17-23
Bakaulengwe, a Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa kgalalelo, o lo nee Mowa wa botlhale wa tshenolo mo kitsong ya go o itse; o be o lo nee matlho a a sedimogetsweng a dipelo tsa lona, lo tle lo itse gore tsholofelo ya pitso ya ona ke efe, le gore khumo ya kgalalelo ya boswa jwa ona mo baitsheping ke e e ntseng jang, le gore bogolo jo bogolo jwa thata ya ona ke e e ntseng jang ntlheng ya rona ba re dumelang ka fa tirong ya bonatla jwa nonofo ya ona e o dirileng ka yona mo go Keresete ka go mo tsosa mo baswing le ka go mo nnisa fa letsogong le le jang la ona mo legodimong, godimodimo ga puso yotlhe le taolo le thata le borena le leina lengwe le lengwe le le ka bidiwang, e seng fela mo lefatsheng leno, mme le gona mo go le le tlang. O beile tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa naya phuthego ene a le tlhogo e e godimo ga dilo tsotlhe. Phuthego ke mmele wa gagwe e a tletseng mo go yona, a tlatsa tsotlhe mo go botlhe.
Alleluya | Matheo 28:19-20
Alleluya, alleluya. Tsamayang, lo dire ditshaba tsotlhe barutwa ba me. Ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa lefatshe. Alleluya.
Efangele | Matheo 28: 16-20
Mo motheng oo, barutwa ba ba lesome le bongwe, ba ne ba ya kwa Galalea kwa thabeng e Jeso o e ba kaetseng. Ya re ba nmona ba mo obamela, mme ba bangwe ba belaela. Jeso a tla kwa go bone, a bua nabo a re:
Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Ka moo he, yaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Moya o o Boitshepo, lo ba rute go tlhokomela tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme itseng, nna ke na le lona ka malatsi otlhe go ya bokhutlong jwa lefatshe.
Efangele ya Morena.