10/08/2026
09/08/2026
VALEDICTORY &FAIRWELL PARTY OF REVEREND INNOCENT OMPHILE
PRESIDING MINISTER:LESOSO&KOLOBENG MODERATOR;REVEREND PONO GAKEKGONWE
GUEST PREACHER:REVEREND DINGINDLELA SIBANDA
READINGS:ISAIAH 40V28-31
PHILIPPIANS 3V7-11
JOHN 13V7
THEME:WAIT FOR THE LORD
Re utule tsotlhe dikgang tse di monate le tse di bosulago tswa mo go Moruti Omphile,mme tee tsotlhe ne di tshwanetse go diragala.Tse tsotlhe tse di diragetseng ko morago re a di lemoga le tse di botlhoko re a di lemoga go re ebe di diragetse ne di tshwanetse ka gore ke sone se bodiredi bo leng sone.
Re mo nakong e akaretsang e ditiragalo dintsi.Re neetswe nako e gore re itebelele re sekaseke mo go yone.Jesu o tshotswe,a tshela,a swa a thatoga o dirile bodiredi ja gagwe,se se setseng ke go ipotsisisa gore go diragetse eng mo go rona,morago ga se,nako e ke nako ya go arologana tshegofatsoke mohau wa Modimo jaaka re o itemigetse
Moruti Omphile o ntse mo Thataganyane a santse a Le moithutela boruti mme mo go nneng ga gagwe ha,e ne e le go mo bopa mo bodireding ja gagwe. Thataganyane e dirile jalo go mo bopa le go mo dira se a leng sone.Ga go na jaaka Thataganyane a ka suthega mo loetong la gagwe la Thomo kgotsa bodiredi.
motho a aga ntlo se se botlhokwa se se lebelwang ke motheo wa ntlo.Motheo ga nke o bonala ka gore morago ga go o dira re tshela mmu re baya bontle jo re bo batlang ha godimo ga motheo.Mme itsi gore Thataganyane ke motheo wa gago o tla seke o e bone kgotsa go lemoga boleng jwa bone mo go tsweleleng ga loeto la gago,mme itsi gore ke bone ba go bopileng ha go na jaaka Thataganyane e ka suta mo bodireding ja gago.
O weditse se ne o se rumilwe mo Thataganyane mme ke go raya ke re leta mo Moreneng.
Lekwalo la ga Isaiah le kgaogantswe ga raro,Isaiah wa bobedi o kwadilwe a supa nako e ne bana ba Iseraele ba otlhaelwang botlhoka tshiamo,mme Modimo a supa mautlwelobotlhoko mo go bone. Isaiah wa bobedi o tisa tsholofelo le kgothatso,mo go lone motho wa botsa a bo a ikarabe ke sone bangwe ba reng Modimo ne a na le kakanyo ya bobedi ka bone.koore a re ke ba othaile jaanong ke a ba aga se ke lorato le go ba thamalatsa.
Modimo o raya Iseraele a re a ga le itsi,ga ise le utlwe gore Morena ke wa bosakhutleng mothodi wa dilo tsotlhe,ga nke a lapa. Temana ya re bao ba ba mo tshephang ba mo tshephela thuso ba tla ntšhafatsa nonofo ya bone ba tla fofa jaaka bo ntsu ba ba tona ba tla taboga mme ba sa idibale ba tla tsamaya mme ba sa lape.
Bao hela ba ba letang mo Moreneng ba tla nna le se Morena a se batlang temana ga e re ba ba tshephang mo ditebegong tsa bone,dithuto,dikhumo,maitemogelo a bone mme ba ba letelang mo Moreneng
Bodiredi ja gago mo Thataganyane e ne le bontlha bongwe ja kgolo ya gago mo go ithuteng ga gago segolo bogolo mo go leteng Morena.Boitemogelo bongwe ja gago ne bo siame bongwe bo sa siama mme tseo ne e le dithuto tse ne o tshwanetse go di itsi.Tsatsi leno o lemoga tse tsotlhe le ko o teng tswelela ka go letela Morena dilo Tse tsotlhe di tla go hetola.Diemo tse tsotlhe ke karolo ya go aga botshelo ja gago.
Lekwalo la ga Bafilipi 3v1 le supa thata se Paulo a se buang a supa ka botlalo gore ene ke mang o tswa kae o itsi eng.Ga o tswelela ko temaneng ya bosupa a re tsotlhe tse ne ke dumela gore ke tshwanetse go nna Le tsone ke dumela di le botlhokwa ga se sepe mo go nna ka gore ke na le Keresete e Le Morena wame.Ga o ya ka go 11 o tswelela a re ke eletsa go nna Le Keresete,go nna wa ga Keresete le go swa ke batla go swela Keresete.Paulo o supa gore o abile tse tsotlhe o letetse Morena/letile mo Moreneng.
# ke khutlisa ke dumela gore ga wa sirega matlho ke tse di diregang mo lefatsheng ka bophara mme segolo bogolo mo kerekeng ya ga Keresete.
# o ka ipotsa gore a kereke e santse e Le maleba mo matshelong a rona,a e santse e dira thomo ya yone le gore Bakeresetere re ba kala ka eng?.Kereke e hetogile mokgatho hela jaaka mekgatho e mengwe ya itloso bodutu.Bothata ke gore kereke e lebetse thomo ya yone re lebetse taolo e tona gore tsamayang le lefatshe lotlhe le rere efangedi.Ga rs sa tlhola re tshwana Le Paulo re letela Morena,ha re botswa gore kereke ne e ntse jang ra re ne e Le monate,monate o re o Kala ka eng?Bangwe Bakeresete re ipolelela gore re Bakeresete mme re se bone,bangwe re ipolelela gore re a go tsena ka kgoro ya legodimo ka tsatsi la bohelo mme ga se rotlhe ba re yang go tsena.
# se se diragalang mo bodireding ja gago gompieno re ka tswa re sa se tlhaloganye mme letela Morena.O seka wa hetolwa ke batho,o Seka wa hetolwa ke ba dikitsokitso wena letela mo Moreneng.Hela ka gore o itsi Jesu e le Morena le mmoloki wa gago mo reetse ka nako tsotlhe.