St Cecilia Sodality, Gaborone Diocese

St Cecilia Sodality, Gaborone Diocese OFFICIAL FACEBOOK PAGE OF St.CECILIA SODALITY IN THE CATHOLIC DIOCESE OF GABORONE
P.O Box 218, GABORONE, BOTSWANA

22/08/2026

SONTAGA SA BO-21 MO NAKONG YA GALE

Thuto Ya Ntlha | Jesaya 22: 19-23

Morena o ne a raya Sebena a re:

Ke tla go leleka mo tirong ya gago, ke go ntsha mo mannong a gago. Ka letsatsi leo ke tla bitsa Eliakime, motlhanka wa me, morwa Hilekia, ke mo apesa diaparo tsa gago, ke mo tlama ka moitlamo wa gago, ke neela puso ya gago mo diatleng tsa gagwe gore a nne rra baagi ba Jerusalema le ba lotso lwa Juta. Ke tla baya selotlele sa ntlo ya ga Dafita mo legetleng la gagwe. O tla bula go se yo o tswalang. O tla tswala go se yo o bulang. Ke tla mo kokotela jaaka lomapo mo felong fa go tiileng, mme o tla nna sedulo sa tlotlo sa ntlo ya ga rraagwe.

Pesalema 138: 1-2a, 2bc-3, 6 & 8

BOPELONTLE JWA GAGO, MORENA, GA BO NA BOKHUTLO; SE TLOGELE DITIRO TSA DIATLA TSA GAGO

Ke tla go galaletsa ka pelo yotlhe,
Ke go opelela pako fa pele ga medimo.
Ke tla obamela
Ke lebile Tempele e e Boitshepo ya gago.

BOPELONTLE JWA GAGO, MORENA, GA BO NA BOKHUTLO; SE TLOGELE DITIRO TSA DIATLA TSA GAGO

Ke galaletsa leina la gago ka ntlha ya bopelontle jwa gago le boikanyego jwa gago;
Gonne o godisitse leina la gago bogolo go tsotlhe.
O nkutlwile mo letsatsing le ke go biditseng ka lone,
Wa nnaya bopelokgale le thata mo moweng.

BOPELONTLE JWA GAGO, MORENA, GA BO NA BOKHUTLO; SE TLOGELE DITIRO TSA DIATLA TSA GAGO

Gonne Morena o godimo, mme o leba yo o boikokobetso;
Mme yo o ikgodisang ena o mo itse a sa le kgakala.
Bopelontle jwa gago, Morena, ga bo na bokhutlo;
Se tlogele ditiro tsa diatla tsa gago.

BOPELONTLE JWA GAGO, MORENA, GA BO NA BOKHUTLO; SE TLOGELE DITIRO TSA DIATLA TSA GAGO

Thuto Ya Bobedi | Baroma 11: 33-36

A boteng jwa khumo le jwa botlhale le jwa kitso ya Modimo! Dikatlholo tsa ona ga di na totolotso jang ne, le ditsela tsa ona ga di na tlhotlhomiso jang ne!

“Gonne ke mang yo o itsileng maikaelelo a Morena,
gongwe mogakolodi wa gagwe e ne e le mang?”

“Gape ke mang yo o mo neileng pele se o tla se busediwang?” Gonne dilo tsotlhe di tswa go ene, di teng ka ene, di ya go ene. Tlotlo a e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen.

Alleluya | Johane 1:14 & 12b

Alleluya, alleluya. Lefoko le ne la nna nama; la ba la aga mo gare ga rona; botlhe ba ba neng ba mo tshola, o ne a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo. Alleluya.

Efangele | Matheo 16: 13-20

Mo motlheng oo, e rile Jesu a fitlha mo ntlheng ya Kaisarea-Filipi, a botsa barutwa ba gagwe a re: “Batho ba re, Morwa-Motho ke mang?”

Ba re: “Bangwe ba re, ke Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re, ke Elia; ba bangwe gape ba re, ke Jeremia gongwe yo mongwe wa baporofeti.”

A ba a ba botsa a re: “Mme lona lo a re, nna ke mang?”

Simone Petoro a araba a re: “O Keresete Morwa Modimo o o tshelang.”

Mme Jesu a mo raya a re: “O sego, Simone, morwa Jona; ka gonne ga se nama le madi tse di go senoletseng moo, mme ke Rre yo o kwa magodimong. E bile ke go raya ke re: O Petoro, mme ke tla aga phuthego ya me mo lefikeng le; mme dikgoro tsa felo ga baswi ga di kitla di e fenya. Ke tla be ke go neele dilotlele tsa puso ya magodimo; sengwe le sengwe se o tla se bofang mo lefatsheng, se tla bo se bofilwe kwa magodimong; mme se o tla se bofololang mo lefatsheng, se tla bo se bofolotswe kwa magodimong.”

Jaanong a laya barutwa ba gagwe gore ba se ka ba bolela ope, fa ene e le Keresete.

01/08/2026

SONTAGA SA BO-18 MO NAKONG YA GALE

Thuto Ya Ntlha | Jesaya 55 : 1-3

Morena o bua dilo tse a re: Heelang! Lona lotlhe ba lo nyorilweng, tlaang kwa metsing; ba lo se nang madi, tlaang lo reke mabele, lo je. Ee, tlaang lo reke mabele kwa ntle ga madi, mofine le madi kwa ntle ga tefa. Ke ka Ntlha ya eng, fa lo ntshetsa dilo madi tse e seng bogobe? Fa lo ntsha tuelo tsa lona ka ntlha ya tse di sa kgoriseng? Utlwang, nkutlweng, lo je tse di molemo gore mewa ya lona e itapolose ka dijo tsa letlotlo. Sekegang ditsebe, tlaang kwa go nna, lo utlweng! Foo mewa ya lona e tla tshela, mme ke tla dira kgolagano le lona e e sa khutleng, ke lo naya mapelotlhomogi a ga Dafita a a tlhomameng.

Pesalema 145: 8-9, 15-16, 17-18

O HUPOROLA SEATLA SA GAGO, MORENA, MME O A RE KGORISA

Morena o boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko;
Ga a fele pelo, o mogolo ka bopelotlhomogi.
Morena o molemo mo go botlhe,
Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.

O HUPOROLA SEATLA SA GAGO, MORENA, MME O A RE KGORISA

Matlho a ba botlhe a lebile wena,
Mme O ba naya dijo tsa bone ka nako e e lebanyeng.
O huporolola seatla sa gago,
O kgorisa ditshedi tsotlhe ka natefo.

O HUPOROLA SEATLA SA GAGO, MORENA, MME O A RE KGORISA

Morena o siame mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe,
O pelonomi mo ditirong tsotlhe tsa gagwe.
Morena o gaufi le botlhe ba ba mmitsang,
Botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri.

O HUPOROLA SEATLA SA GAGO, MORENA, MME O A RE KGORISA

Thuto Ya Bobedi | Baroma 8: 35; 37-39

Bakaulenngwe: Ke mang yo o ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Kreste? A ke tlalelo gongwe pitlagano gongwe pogiso gongwe tlala gongwe bosaikatega gongwe kotsi gongwe tšhaka? Mme mo dilong tsotlhe tseo re fenya bogolobogolo ka ene yo o re ratileng. Gonne ke tlhomamiseditswe gore le fa e ka nna loso gongwe botshelo gongwe baengele gongwe balaodi gongwe dilo tse di leng teng gongwe tse di tla tlang gongwe dithata gongwe bogodimo gongwe boteng, le fa e ka nna sebopiwa se sele, ga di kgone go ka re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Kreste Jesu, Morena wa rona.

Allelluya | Johane 8:12
Alleluya, alleluya. Ke nna lesedi la lefatshe, ga rialo Morena.; Yo o ntshalang morago o tla nna le lesedi la botshelo. Alleluya.

Efangele | Matheo 14: 13-21

Mo motlheng oo, e ne ya re Jesu a utlwa ka ga loso la ga Johane Mokolobetsi, a tloga teng ka mokoro, a ya a le nosi felong gongwe kwa sekakeng; mme ya re batho ba utlwa, ba mo latela ka dinao, ba tswa mo metseng. Ya re a tswa teng, a bona lesomo le legolo la batho, a ba tlhomogela pelo, a ba a fodisa balwetse ba bone. Ya re go le maitsiboa, barutwa ba gagwe ba ya go ene ba re: Felo fa ke sekaka, mme lobaka lo setse lo fetile; naya batho tsela gore ba ye metsaneng, ba ithekele dijo. Mme Jesu a ba fetola a re: Ga go batlege gore ba tsamaye; lona ba feng, ba je! Bone ba re: Fano ga re na sepe, fa e se dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi. Ene a re: Di tsiseng kwano go nna! Ya re a sena go laela batho go nna mo bojannye, a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelala kwa legodimong, a leboga, a ngathoganya dinkgwe, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho. Baa ja botlhe, ba kgora, ba be ba sela masadisa, a tlala ditlatla di le lesome pedi. Ba ba jeleng e ka nna banna ba ba dikete tse tlhano, go sa balwe basadi le bana.

25/07/2026

SONTAGA SA BO-17 MO NAKONG YA GALE

Thuto Ya Ntlha | 1 Dikgosi 3: 5, 7-12

Kwa Gibeone Morena a iponatsa mo go Salomo ka toro bosigo, mme Modimo wa re: “Ikopele sengwe mo go nna.”

Mme jaanong Morena, Modimo wa me, motlhanka wa gago o mo dirile kgosi mo boemong jwa ga Dafita rre. Mme nna ke lekawana fela. Ga ke ise ke itse go tswa le go tsena. E bile motlhanka wa gago o mo gare ga morafe wa gago o ò o itlhophetseng, e le morafe o mogolo o o sa ka keng wa balwa le e seng go kwalwa ka ntlha ya bontsi. Ka moo naya motlhanka wa gago pelo e e reetsang gore a itse go atlhola morafe wa gago le go farologanya tse di molemo le tse di bosula. Gonne ke mang yo o ka kgonang go busa morafe wa gago o o kanakana?”

Kopo eo e ne ya kgatlha Morena, fa Salomo a kopa se se ntseng jalo. Modimo wa mo raya wa re: “E re ka o kopile se se ntseng jaana, mme o sa ikopela bophelo jo boleele le e seng go ikopela khumo le e seng loso lwa baba ba gago, mme o ikopetse tlhaloganyo go ka utlwa ditsheko, ka moo ke dira ka fa mafokong a gago, ke go naya pelo e e botlhale e e tlhaloganyang. Ga go ise go ke go nne ope yo o tshwanang nao pele ga gago. Le gona ga go kitla go tsoga ope yo o tshwanang nao sehularong sa gago.

Pesalema 119: 57 & 72, 76-77, 127-128, 129-130

MOLAO WA GAGO, MORENA, KE O RATA THATA JANG

Morena ke kabelo ya me;
Ke rile, ke tla tlhokomela mafoko a gago.
Molao wa molomo wa gago,
Mo go nna o gaisa dikete tsa gouta le selefera.

MOLAO WA GAGO, MORENA, KE O RATA THATA JANG

Tswetswe a bopelontle jwa gago bo nkgomotse,
Ka fa o solofeditseng motlhanka wa gago ka teng.
A mautlwelo-botlhoko a gago a mpharafare gore ke phele
Gonne molao wa gago ke boitumelo jwa me.

MOLAO WA GAGO, MORENA, KE O RATA THATA JANG

Ke ka ntlha ya moo ke ratang ditaelo tsa gago go feta gouta
Le gouta e e sa pekwang.
Ke ka ntlha ya moo ke kayang ditaolo tsotlhe tsa gago tshiamo;
me ke tlhoile tsela nngwe le nngwe ya maaka.

MOLAO WA GAGO, MORENA, KE O RATA THATA JANG

Ditshupo tsa gago di a gakgamatsa;
Ke ka ntlha ya moo, fa mowa wa me o di boloka.
Tlhaloso ya mafoko a gago e a sedimosa,
E tlhalefisa ba ba se nang kitso.

MOLAO WA GAGO, MORENA, KE O RATA THATA JANG

Thuto Ya Bobedi | Baroma 8: 28-30

Bakaulengwe: Re itse gore bone ba ba ratang Modimo, dilo tsotlhe di dira mmogo go ba tsalela molemo, e b**g bone ba ba biditsweng ka fa boikaelelong jwa Modimo. Gonne ba o ba itsileng pele, o ba tlhaotse pele gore ba tshwane le popego ya Morwaa-ona, a tle a nne motsalwapele mo baneng ba le bantsi. Mme ba o ba tlhaotseng pele, e bile o ba biditse; ba o ba biditseng, e bile o ba siamisitse; ba o ba siamisitseng, e bile o ba galaleditse.

Alleluya | 1 Samuele 3:9 ; Johane 6:68b

Alleluya, alleluya. Bua, Morena, gonne motlhanka wa gago o reeditse; O na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng. Alleluya.

Efangele | Matheo 13: 44-52

Mo motlheng oo, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re:

“Gape, puso ya magodimo e tshwana le lohumo lo lo fitlhilweng mo tshimong lo motho o neng a lo bona, a ba a lo loba; mme ka go lo itumelela a ya a rekisa tsotlhe tse a nang natso, a reka tshimo eo.

“Gape, puso ya magodimo e tshwana le moreki yo o batlang diperela tse dintle. Ya re a sena go bona perela nngwe e e tlhwatlhwa e kgolo, a ya a rekisa tsotlhe tse a nang natso, a e reka.

“Gape, puso ya magodimo e tshwana le letloa le le digetsweng mo lewatleng, la gogoretsa mefuta yotlhe ya ditlhapi. Ya re le sena go tlala, ba le gogela kwa losing lwa lewatle; mme ba nna, ba tlhophela tse di siameng mo megopong, tse di sa jeweng ba di latlha. Go tla nna jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tla tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng. Ba tla ba latlhela mo molelong o mogolo; teng go tla nna selelo le phuranyo ya meno.
Tse dintšhwa le tse dikgologolo

“A lo tlhalogantse tsotlhe tseo?”

Ba mo araba ba re: “Ee.”

A ba raya a re: “Ka moo moitsedikwalo mongwe le mongwe yo o rutilweng tsa puso ya magodimo o tshwana le mong wa ntlo yo o ntshang tse dintšhwa le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.”

Efangele ya Morena.

18/07/2026

SONTAGA SA BO-16 MO NAKONG YA GALE (A)

Thuto Ya Ntlha | Botlhale 12: 13, 16-19

Ga go na Modimo ope, kwa ntle ga gago o o tlhokomelang sengwe le sengwe, o o ka nnang wa tshwanela go o bontsha gore ga o ise o ko o atlhole ka tshiamololo. Gonne thata ya gago ke yone Motswedi wa tshiamo ya gago, mme borena jo bogolo jo o busang botlhe ka jone bo dirang gore o rekegele botlhe. Ka gore o supa nonofo ya gago fela fa batho ba belalela botlalo jwa thata ya gago o bo o otlhaya makgakga a ba ba e itseng. Fela, le fa o dirisa nonofo e ya gago, o atlhola ka bonolo; o busa ka thekegelo e kgolo; gonne fa o batla fela thata ya gago e setse e bile e le teng. Ka go dira jalo o ne o ruta batho ba gago gore mosiami o tshwanetse go nna bonolo mo go ba ga gabo, mme o neile bomorwao tsholofelo e e molemo ya gore morago ga go leofa o tla ba thusa ka lobaka lwa go ikwatlhaya.

Lefoko la Modimo.

Pesalema 86: 5-6, 9-10, 15-16a

WENA, MORENA, O MOLEMO LE BOITSHWARELO

Wena, Morena, o molemo le boitshwarelo;
O bopelonomi jo bogolo mo go botlhe ba ba goelang kwa go wena.
Morena, reetsa thapelo ya me,
o tlhokomele lentswe la mekokotlelo ya me.

WENA, MORENA, O MOLEMO LE BOITSHWARELO

Ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng di tlaa tla,
Di obamela fa pele ga gago, Morena, di tlotla leina la gago.
Gonne wena o mogolo, o dira dikgakgamatso;
wena o Modimo o le wesi fela.

WENA, MORENA, O MOLEMO LE BOITSHWARELO

Wena Morena, o Modimo o o boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo;
Ga o fele pelo,
O tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.
Retologela kwa go nna, o intshwarele.

WENA, MORENA, O MOLEMO LE BOITSHWARELO

Thuto Ya Bobedi | Baroma 8: 26-27

Bakaulengwe: Moya le one o thusa bokoa jwa rona jalo; gonne ga re itse se re ka se kopang ka tshwanelo; Moya ka osi o re emela ka diphegelo tse di sa kgonweng go bulelwa. Mme motlhotlhomisi wa dipelo o itse maikaelelo a Moya, gonne ona o emela baitshephi ka fa go rateng ga Modimo.

Lefoko la Modimo.

Alleluya | 1 Samuele 3:9 ; Johane 6:68b

Alleluya, alleluya. Bua, Morena, gonne motlhanka wa gago o reeditse; O na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng. Alleluya.

Efangele | Matheo 13: 24-43

Jesu o ne a ba ruta ka setshwantsho se sengwe a re:

“Puso ya magodimo e tshwana le motho yo o kileng a jwala peo e e siameng mo tshimong ya gagwe. Mme ya re batho ba robetse, mmaba wa gagwe a tla, a jwala mhoka mo gare ga mabele, a ba a tloga. Ya re mabele a sena go gola le go tsala, mhoka le ona wa itshupa. Jaanong batlhanka ba mong wa ntlo ba tla, ba mo raya ba re: ‘Morena, a ga o a jwala peo e e siameng mo tshimong ya gago? Mme jaanong mhoka o tswa kae?’ A ba raya a re: ‘Ke mmaba yo o dirileng jalo.’ Batlhanka ba mo raya ba re: ‘Fa go le jalo, a o rata gore re ye go o putuka?’ Mme a re: ‘Nnyaya, e ka re gongwe fa lo putuka mhoka, lwa o kumolela le mabele. Lesang, go gole mmogo go ya thob**g; e tla re ka nako ya thobo ke ree barobi ke re: Phuthang mhoka pele, lo o bofe dingata go o fisa; mabele ona lo a phuthele kwa difaleng tsa me.’ ”

A ba bolelela ka setshwantsho se sengwe a re: “Puso ya magodimo e tshwana le tlhaka ya peo ya mmasetete e motho a e tsereng, a e jwala mo tshimong ya gagwe, e e leng potlana mo dipeong tsotlhe; mme e re e sena go gola, e nne kgolo go feta merogo, e nne setlhare, mo dinonyane tsa leapi di a beng di tle, di age dintlhaga mo dikaleng tsa sona.”

A boa a ba bolelela setshwantsho se sengwe gape a re: “Puso ya magodimo e tshwana le matlhabego a mosadi o a tsereng, a a tsenya mo bupeng jwa dielo di le tharo, jwa ba jwa bela jotlhe.”

Tsotlhe tseo Jesu a di bua le batho ka ditshwantsho; ga a ka a bua sepe nabo, fa e se ka ditshwantsho, gore go dirafale se se builweng ke moporofeti a re:

“Ke tla tumolola molomo wa me ka ditshwantsho;
ke tla bolela dilo tse di sa leng di fitlhwa
go tswa tlholegong ya lefatshe.”

Jaanong Jesu a tlogela batho, a tsena mo ntlong. Barutwa ba gagwe ba ya go ene ba re: “Re phuthololele setshwantsho sa mhoka wa tshimo.”

A araba a re: “Yo o jwalang peo e e siameng ke Morwa-Motho. Tshimo ke lefatshe; peo e e siameng ke bana ba puso; mhoka ke bana ba yo-o-bosula. Mmaba yo o o jwetseng ke Diabolo; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe; barobi ke baengele. Jaanong go tla nna mo bokhutlong jwa lefatshe jaaka mhoka o phuthwa, o fisiwa ka molelo: Morwa-Motho o tla roma baengele ba gagwe, ba tla phutha mo pusong ya gagwe botlhe ba ba kgopisang le ba ba dirang boikepo. Ba tla ba latlhela mo molelong o mogolo. Teng go tla nna selelo le phuranyo ya meno. Foo basiami ba tla phatsima jaaka letsatsi mo pusong ya ga Rraabo. Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe!

Efangele ya Morena.

04/07/2026

SONTAGA SA BO LESOME LE BONE MO NAKONG YA GALE (A)

Thuto ya Ntlha | Sagaria 9: 9-10

Morena o bua dilo tse a re: Itumele thata, morwadia Sione, O duduetse, morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e e tla kwa go wena, e siame, e tletse poloko, e pelonolo, e palame esele, e leng eselana, ngwana wa esele. Mme ke tla thubakanya dikoloi tsa ntwa mo go Eferaime le dipitse mo Jerusalema; bora jwa ntwa bo tla robakanngwa, mme ene o tla rerela ditšhaba kagiso. Puso ya gagwe e tla simologa fa lewatleng go ya go fitlha kwa lewatleng le lengwe; e simologa fa nokeng ya Ferathe go ya go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.

Pesalema 145: 1-2, 8-9, 10-11; 14

KE TLAA BAKA LEINA LA GAGO KA GALE LE KA BOSAKHUTLENG.

Modimo wa me, ke tla go godisa, Kgosi;
Ke baka leina la gago ka gale le ka bosakhutleng.
Ke tla go baka ka letsatsi lengwe le lengwe,
Ke tumisa leina la gago ka gale le ka bosakhutleng.

KE TLAA BAKA LEINA LA GAGO KA GALE LE KA BOSAKHUTLENG.

Morena o boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko;
Ga a fele pelo, o mogolo ka bopelotlhomogi.
Morena o molemo mo go botlhe,
Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.

KE TLAA BAKA LEINA LA GAGO KA GALE LE KA BOSAKHUTLENG.

Morena, a dibopiwa tsotlhe tsa gago di go leboge,
A baratiwa ba gago ba go bake.
A ba bolele kgalalelo ya bogosi jwa gago,
Ba bue ka ga thata ya gago.

KE TLAA BAKA LEINA LA GAGO KA GALE LE KA BOSAKHUTLENG.

Morena o ikanyega mo go tsotlhe tse a di buileng.
Mme o lorato mo ditirong tsotlhe tsa gagwe.
Morena o tshegetsa botlhe ba ba wang,
O tsosa botlhe ba ba obegileng.

KE TLAA BAKA LEINA LA GAGO KA GALE LE KA BOSAKHUTLENG.

Thuto ya Bobedi | Baroma 8: 9, 11-13

Bakaulenngwe; Lona ga lo mo nameng, lo mo moeng, fa tota Moya wa Modimo o agile mo go lona; fa motho a sa tshola Moya wa ga Kreste, yoo ga se wa gagwe. Fa Moya wa ona o o tsositseng Jesu mo baswing o agile mo go lona, foo ona o o tsositseng Kreste Jesu mo baswing o tla tshedisa le yona mebele e e swang ya lona ka Moya wa ona o o agileng mo go lona. Ka moo he, bakaulengwe, re tlamegile go tshela ka fa moyeng, e seng ka fa nameng. Gonne fa lo tshela ka fa nameng, lo tla swa; mme fa lo bolaya ditiro tsa mmele ka mowa, lo tla tshela.

Alleluya | Matheo 11: 25

Alleluya, alleluya. Ke a go boka, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka O senoletse ba ba sa rutegang masaitseweng a puso. Alleluya.

Efangele | Matheo 11: 25 – 30

Ka nako eo Jesu o ne a bua a re: Ke a go boka, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka O fitlhetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang dilo tse, mme O di senoletse ba ba sa rutegang. Ee, Rara, gonne e ne e le kgatlhego ya gago gore go nne jalo. Tsotlhe ke di neilwe ke Rre; ga go ope yo o itseng Morwa, fa e se Rara; le gona ga go ope yo o itseng Rara, fa e se Morwa, le yo Morwa o ratang go mo mo senolela. Tlaang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang; nna ke tla lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute mo go nna; gonne ke bonolo le boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, morwalo wa me o botlhofo.

Thank You Francistown for hosting St.Cecilia Sodality of the Diocese Of Gaborone during the Episcopal Ordination of now ...
03/07/2026

Thank You Francistown for hosting St.Cecilia Sodality of the Diocese Of Gaborone during the Episcopal Ordination of now the Bishop of Francistown His Lordship Right Reverent Bishop Lawrence Ofentse Pheto.

We are pleased to share beautiful moments and memories of the historic ordination held on the 27th June 2026 with the congregants and all brethren of the holy mother church and the general membership of St. Cecilia Sodality.

Thank you and Congratulations to Our lady of the Desert Cathedral of Francistown for a hospitable event.

Kindly join the community of St.Cecilia Sodality of the Diocese of Gaborone and the Holy Mother Church on this historic ...
27/06/2026

Kindly join the community of St.Cecilia Sodality of the Diocese of Gaborone and the Holy Mother Church on this historic moment as we celebrate and congratulate the Diocese of Francistown and the Ramotswa born newly ordained Bishop Lawrence Ofentse Pheto 👏👏👏 Indeed ,The Lord is Good🙏

20/06/2026

SONTAGA SA LESOME LE BOBEDI MO NAKONG YA GALE (A)

Thuto Ya Ntlha | Jeremia 20: 10 -13

Jeremia o ne a re : Therego e mo tikologong! Gonne ke utlwetse ba bantsi ba ntsheba ba re: Mmegeng, re rata go mo leba. Batho botlhe ba ba tshelang le nna ka kagiso ba lalela phoso ya me. Ba re: Ka gongwe o tla raelega gore re mo fenye, re mo ipusolosetse. Mme Morena o na le nna a le senatla se se boitshegang; ka moo ba ba ntebelang ba tla wa, ba sa fenye. Ba tla tlhajwa ke ditlhong tse dikgolo, gonne ga ba a kgona sepe. Ke kgala e e sa khutleng e e sa lebalweng. Wena Morena wa masomosomo yo O tlhatlhobang mosiami, yo O bonang diphilo le pelo, nte ke bone pusoloso ya gago mo go bone, gonne ke go neetse kgang ya me ka go go ikanya. Opelelang Morena! Tumisang Morena! Gonne o bolokile botshelo jwa mohumanegi mo diatleng tsa ba ba pelompe.

Pesalema 69: 8-10, 14 & 17, 33- 35

MORENA, NKUTLWE KA FA BOGOLONG JWA BOPELOTLHOMOGI JWA GAGO.

Ke ka ntlha ya gago ke rweleng nyatsego, ditlhong di bipile sefatlhego sa me.
Bomorwa-rre ke ba fetogetse moeng, ke yo o sa itsiweng mo baneng ba ga mme.
Gonne go tlhoafalela Ntlo ya gago go njele,
Le dikgobo tsa bona ba ba go kgobana di nkwetse.

MORENA, NKUTLWE KA FA BOGOLONG JWA BOPELOTLHOMOGI JWA GAGO

Mme nna, thapelo ya me ke e lebisitse wena, Morena, ka nako e e go kgatlhang.
Modimo, nkutlwe ka fa bogolong jwa bopelotlhomogi jwa gago le ka ntlha ya pholoso ya gago e e ikanyegang. Nkutlwe, Morena, gonne bopelotlhomogi jwa gago bo molemo;
Retologela go nna ka fa bogolong jwa boutlwelo-botlhoko jwa gago.

MORENA, NKUTLWE KA FA BOGOLONG JWA BOPELOTLHOMOGI JWA GAGO

Ba ba pelonolo ba a go bona, ba itumele. Lona ba lo batlang Modimo, dipelo tsa lona di tshele.
Gonne Morena o utlwa bahumanegi; ga a nyatse batshwarwi ba gagwe.
A legodimo le lefatshe di mo tumise,
Le mawatle le tsotlhetse di nyeulang mo go ona.

MORENA, NKUTLWE KA FA BOGOLONG JWA BOPELOTLHOMOGI JWA GAGO.

Thuto ya Bobedi | Baroma 5: 12-15

Bakaulenngwe, boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo, mme loso lwa phololela jalo mo bathong botlhe, ka ba leofile botlhe. Kana boleo bo ne bo le mo lefatsheng go fitlha nakong ya molao; mme boleo ga bo kaiwe molato, fa molao o se yo. Le fa go ntse jalo, go tloga ka Atamo go ya kwa go Moše loso lo ne lo ntse lo laola le mo go bone ba ba se kang ba leofa ka mokgwa o o tshwanang le tlolo ya ga Atamo yo e leng sekao sa yo o tla tlang. Mme fela neo ya bopelotlhomogi jwa Modimo le neo tse di senogileng ka bopelotlhomogi jwa motho a le mongwe fela, e b**g Jesu Kreste, kana tsona di atiseditswe ba le bantsi bogolo thata jang ne!

Alleluya | Johane 8:12

Alleluya, alleluya. Ke nna lesedi la lefatshe, yo o ntshalang morago, o tla nna le lesedi la botshelo, go rialo Morena. Alleluya.

Efangele | Matheo 10 : 26- 33

Mo motlheng oo, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re : Se boifeng batho; gonne ga go sepe se se bipilweng, se se se kitlang se senolwa, le fa e le se se fitlhegileng, se se se kitlang se itsiwe. Se ke se lo bolelelang mo lefifing, lo se bue mo leseding; le se lo se sebelwang, lo se utlwatse lo le mo godimo ga matlo. Le gona, lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya moya; mme bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng wa molelo. A dirobele tse pedi ga di rekisiwe ka peni? Mme ga go sepe sa tsona se se welang fa fatshe kwa ntle ga go rata ga Rraeno. Mme le dithiri tsa ditlhogo tsa lona di badilwe tsotlhe. Ka moo, se boifeng; gonne lo gaisa dirobele di le dintsi. Jaanong mongwe le mongwe yo o tla impolelang fa pele ga batho, le nna ke tla mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa magodimong. Mme yo o tla intatolang fa pele ga batho, le nna ke tla mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa magodimong.

16/06/2026

St.Cecilia Sodality of the Diocese of Gaborone and its Diocesan Executive Committee and the Diocesan Council Team and the Catholic Church today join the world in houner of the Catholic Ministry of youth and the young people of the world to celebrate THE DAY OF THE AFRICAN CHILD JUNE 16

Kindly join St.Cecilia Sodality and its general membership as they celebrate togehter with its youthful membership the historic day of the AFRICAN Child.

To the youth, be faithful and be encouraged to love Christ and use this day to renew your faith and commitment to our Lord Jesus Christ. 🙏

Address

Queen's Road
Gaborone

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when St Cecilia Sodality, Gaborone Diocese posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Shortcuts

Share