15/02/2022
BEIBELE NUMERI 22:22-35 Fela bogale jwa Modimo jwa tuka, ka a tsamaya, mme moengele wa Morena a ikemisa mo tseleng go nna moganetsi wa gagwe, Bileame a ntse a palame esele ya gagwe, a na le badiredi ba le babedi. Jaanong ya re esele e bona moengele wa Morena a eme mo tseleng, a tshotse tšhaka ya gagwe e e somotsweng, ya fapoga mo tseleng, ya tsamaya mo nageng, mme Bileame a e itaya go e busetsa mo tseleng. Jaanong moengele wa Morena a ema mo tseleng ya masimo a moweine e e sefero, go le dipota mo ntlheng tsoo pedi. Ya re esele e bona moengele wa Morena, ya iphaphata le lobota, ya tšhwetla lonao lwa ga Bileame fa loboteng, mme a e itaya gape. Moengele wa Morena a boela a fetela pele, a ema felong fa go pitlaganyeng fa go se nang manno teng go ka sutela ntlheng ya le le jang gongwe mo go ya la molema. Jaanong ya re esele e bona moengele wa Morena, ya robala ka Bileame. Ke fa Bileame a tuka bogale, a e itaya ka thobane. Mme Morena a bula esele molomo, ya botsa Bileame ya re: “Ke go diretseng, fa o ntse o ntitaya, jaanong e le la boraro?” Bileame a fetola esele a re: “Ke ka gonne o tshamekile ka nna. Fa nka bo ke tshotse tšhaka, nka bo ke setse ke go bolaile.” Esele ya raya Bileame ya re: “A ga ke esele ya gago e o e palamang ka gale go fitlha letsatsing leno? A nkile ka leka go go direla jalo?” A re: “Nnyaya!” Ke fa Morena a budulola Bileame matlho, mme a bona moengele wa Morena a eme mo tseleng a tshotse tšhaka ya gagwe e e somotsweng, a inama, a ikobela fa fatshe ka sefatlhego. Moengele wa Morena a mmotsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o sa le o tla o itaya esele ya gago e setse e le gararo? Bona, ke bolotse go nna moganetsi wa gago; gonne leeto la gago le a nkgopisa. Esele yona e mponye, ya mphapogela gararo; fa e ka bo e se ka ya mphapogela, foo nka bo ke sa bolo go go bolaya, yona ka e lesa go phela.” Ke fa Bileame a raya moengele wa Morena a re: “Ke leofile ka gonne ke ne ke sa itse, fa o ne o eme mo tseleng go nthibela. Jaanong he, fa go le bosula mo matlhong a ga