08/02/2026
SONTAGA SA BO-18 MO NAKONG YA GALE
Thuto Ya Ntlha | Jesaya 55 : 1-3
Morena o bua dilo tse a re: Heelang! Lona lotlhe ba lo nyorilweng, tlaang kwa metsing; ba lo se nang madi, tlaang lo reke mabele, lo je. Ee, tlaang lo reke mabele kwa ntle ga madi, mofine le madi kwa ntle ga tefa. Ke ka Ntlha ya eng, fa lo ntshetsa dilo madi tse e seng bogobe? Fa lo ntsha tuelo tsa lona ka ntlha ya tse di sa kgoriseng? Utlwang, nkutlweng, lo je tse di molemo gore mewa ya lona e itapolose ka dijo tsa letlotlo. Sekegang ditsebe, tlaang kwa go nna, lo utlweng! Foo mewa ya lona e tla tshela, mme ke tla dira kgolagano le lona e e sa khutleng, ke lo naya mapelotlhomogi a ga Dafita a a tlhomameng.
Pesalema 145: 8-9, 15-16, 17-18
O HUPOROLA SEATLA SA GAGO, MORENA, MME O A RE KGORISA
Morena o boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko;
Ga a fele pelo, o mogolo ka bopelotlhomogi.
Morena o molemo mo go botlhe,
Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.
O HUPOROLA SEATLA SA GAGO, MORENA, MME O A RE KGORISA
Matlho a ba botlhe a lebile wena,
Mme O ba naya dijo tsa bone ka nako e e lebanyeng.
O huporolola seatla sa gago,
O kgorisa ditshedi tsotlhe ka natefo.
O HUPOROLA SEATLA SA GAGO, MORENA, MME O A RE KGORISA
Morena o siame mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe,
O pelonomi mo ditirong tsotlhe tsa gagwe.
Morena o gaufi le botlhe ba ba mmitsang,
Botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri.
O HUPOROLA SEATLA SA GAGO, MORENA, MME O A RE KGORISA
Thuto Ya Bobedi | Baroma 8: 35; 37-39
Bakaulenngwe: Ke mang yo o ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Kreste? A ke tlalelo gongwe pitlagano gongwe pogiso gongwe tlala gongwe bosaikatega gongwe kotsi gongwe tšhaka? Mme mo dilong tsotlhe tseo re fenya bogolobogolo ka ene yo o re ratileng. Gonne ke tlhomamiseditswe gore le fa e ka nna loso gongwe botshelo gongwe baengele gongwe balaodi gongwe dilo tse di leng teng gongwe tse di tla tlang gongwe dithata gongwe bogodimo gongwe boteng, le fa e ka nna sebopiwa se sele, ga di kgone go ka re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Kreste Jesu, Morena wa rona.
Allelluya | Johane 8:12
Alleluya, alleluya. Ke nna lesedi la lefatshe, ga rialo Morena.; Yo o ntshalang morago o tla nna le lesedi la botshelo. Alleluya.
Efangele | Matheo 14: 13-21
Mo motlheng oo, e ne ya re Jesu a utlwa ka ga loso la ga Johane Mokolobetsi, a tloga teng ka mokoro, a ya a le nosi felong gongwe kwa sekakeng; mme ya re batho ba utlwa, ba mo latela ka dinao, ba tswa mo metseng. Ya re a tswa teng, a bona lesomo le legolo la batho, a ba tlhomogela pelo, a ba a fodisa balwetse ba bone. Ya re go le maitsiboa, barutwa ba gagwe ba ya go ene ba re: Felo fa ke sekaka, mme lobaka lo setse lo fetile; naya batho tsela gore ba ye metsaneng, ba ithekele dijo. Mme Jesu a ba fetola a re: Ga go batlege gore ba tsamaye; lona ba feng, ba je! Bone ba re: Fano ga re na sepe, fa e se dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi. Ene a re: Di tsiseng kwano go nna! Ya re a sena go laela batho go nna mo bojannye, a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelala kwa legodimong, a leboga, a ngathoganya dinkgwe, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho. Baa ja botlhe, ba kgora, ba be ba sela masadisa, a tlala ditlatla di le lesome pedi. Ba ba jeleng e ka nna banna ba ba dikete tse tlhano, go sa balwe basadi le bana.