ELOYI Christian Church Branch 68-Rakops

ELOYI Christian Church Branch 68-Rakops Aimed at changing lives to Christian beliefs and custom.

10/06/2026

*Today might be your breakthrough! 🙏*
Join us for *Healing & Prayer Service* with

Don’t carry that burden alone. Come expecting God to touch, heal, and restore. His presence changes everything.

_“Is anyone among you sick? Let them call the elders of the church to pray over them.” - James 5:14_

Bring a friend. Come with faith. Leave with hope. 🔥

B 68🔥🔥🔥🔥 activation ya Phiring Di a tsena foo Pitsi Tsa moyay

24/12/2025

MOLAETSA WA KERESEMOSE
Baeteledipele ba kereke ya Eloyi le baphuthegi ba ba rategileng, ke a le dumedisa mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete. Amen!

Bagaetsho re tsile mo bokhutlong jwa ngwaga, paka e ka yone re ipelelang matsalo a Morena Jesu Keresete. Are yeng go ipela le ba malapa a rona, re abelane dimpho le lorato, mme re gakologelwe gape gore Keresemose ga se fela nako ya go ipela, mme ele nako ya nchafatso ya lorato la Modimo mo bathong ba one. Ke paka ya boitumelo e re gakololang gore tsholofelo mo Moreneng e feta diemo tsotlhe.

1 JOHANE 5:11, “Mme tshupo ke yone e, gore Modimo o re neile botshelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwa one”. Mme ka jalo mo go tse tsotlhe tse re kopaneng le tsone, re le kereke kgotsa ka b**gwefela jwa rona, e ke yone nako ya go leba kwa morago re gakologelwe fa ele ruri Keresete ele ene seikokotlelo sa rona.

MATHAIO 6:33, “Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe, mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa”. Ka jaalo a re tshwareleleng mo tumelong, re tukise lesedi la lorato le tsholofelo. Re tie mo thapelong go rapelela malapa a rona, kereke ya rona, gammogo le lefatshe. Re rapele kgatlhanong le dintwa, dikotsi tsa tsela, kgotsa bosula bope fela mme re rapelele kagiso le thokgano mo malatsing a. ke paka ya go ikhutsa le go leba se o se jwadileng gammogo le thobo ya ngwaga ele tsela ya go ipaakanyetsa paka e tlang

Baratwa mo Moreneng, are gakologelwen gape tirelo ya Kgaolo Ya Ngwaga, e ka yone re tla b**g re leboga mmogo mautlwelobotlhoko a Morena, re bo re neela ngwaga oo tlang mo go ene. Ba ba tsayang maeto, are ipabaleleng, re nne kelotlhoko mo tseleng, re bo re obamele matshwao a tsela.

Segofalang MaEloyi, le nne le malatsi a mantle a Keresemose le ngwaga o mosha!...

HIS HOLINESS ARCHBISHOP DR SEKAI JAKOBA

Address

Rakops

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when ELOYI Christian Church Branch 68-Rakops posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Shortcuts

Share