08/09/2026
Lwetse 8
MOLETLO WA BOTSALO JWA GA MAREA KGAREBANE YO O LETLHOGONOLO
Palo Pele ga Efangele | Miga 5: 1-4a
“Wena Betleheme-Eferatha, o mmotlana mo metseng ya Juta, mme yo o tla nnang mmusi mo Iseraeleng o tla ntswela mo go wena; mme matso a gagwe a tswa mo metlheng ya bogologolo le mo malatsing a a se nang tshimologo.” Ka moo o tla ba latlha go ya go fitlhelela sebakeng se mmelegi o belegeng ka sona. Foo masalela a bomorwa-rraagwe a tla boela kwa Baiseraeleng. Mme o tla ema, a ba fudisa ka thata ya Morena le ka bogolo jwa leina la Morena , Modimo wa gagwe; mme ba tla nna mo kagisong; gonne jaanong o tla nna mogolo go fitlha mafelelong a lefatshe. Mme ene yo, o tla nna kagiso ya rona.
Pesalema 13: 6ab, 6c (Jesaya 61: 10)
KE ITUMELA KA PELO YOTLHE MO MORENENG
Mme nna, ke ikanya boitshwarelo jwa gago; pelo ya me e tla ipelela thuso ya gago.
KE ITUMELA KA PELO YOTLHE MO MORENENG
Ke tla opelela Morena pako, ka a ntiretse molemo.
KE ITUMELA KA PELO YOTLHE MO MORENENG
Efangele | Matheo 1: 1-16, 18-23
Lokwalo lwa lotso lwa ga Jesu morwa Dafita, morwa Aborahame. Aborahame o ne a tsala Isaka; Isaka a tsala Jakobe; Jakobe a tsala Juta le bomorwa-rraagwe. Juta le Thamare ba tsala Pherese le Sera; Pherese a tsala Heserone; Heserone a tsala Rame; Rame a tsala Aminatabe; Aminatabe a tsala Nasone; Nasone a tsala Salema; Salema le Rahabe ba tsala Boase; Boase le Ruthe ba tsala Obete. Obete a tsala Isai; Isai a tsala kgosi Dafita. Dafita le mogatsa-Uria ba tsala Salomo. Salomo a tsala Rehabeame; Rehabeame a tsala Abia; Abia a tsala Asa; Asa a tsala Josafate; Josafate a tsala Jorame; Jorame a tsala Usia; Usia a tsala Jothame; Jothame a tsala Ahase; Ahase a tsala Hesekia; Hesekia a tsala Manase; Manase a tsala Amone; Amone a tsala Josia; Josia a tsala Jegonya le bomorwa-rraagwe ka sebaka sa go hudusediwa kwa Babilone. E rile morago ga go hudusediwa kwa Babilone, Jegonya a tsala Salathiele; Salathiele a tsala Serubabele; Serubabele a tsala Abiute; Abiute a tsala Eliakime; Eliakime a tsala Asore; Asore a tsala Satoke; Satoke a tsala Agime; Agime a tsala Eliute; Eliute a tsala Eleasare; Eleasare a tsala Mathane; Mathane a tsala Jakobe; Jakobe a tsala Josefa, monna wa ga Maria yo o belegeng Jesu yo o bidiwang Keresete.
Go tsalwa ga Jesu Keresete go ne go le jaana: E rile Maria mmaagwe a sena go beelelwa ke Josefa, ba ise ba kopane, a bonwa a le moimana ka Mowa o o Boitshepo. Josefa, lekau la gagwe, ka a siame, mme a sa rate go mo tlhabisa ditlhong, a ikaelela go mo tlhanogela mo sephiring. Ya re a ntse a akanya jalo, moengele wa Morena a bonala fa go ene ka toro a re: “Josefa, morwa Dafita, se boife go tsaya Maria go nna mosadi wa gago; gonne boimana jwa gagwe bo tswa mo Moweng o o Boitshepo. O tla belega mosimane, mme wena o bitse leina la gagwe Jesu; gonne ke ene yo o tla gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.” Gotlhe moo go dirafetse gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moporofeti a re: “Bonang, lekgarebe le tla ima, le belega mosimane; mme ba tla bitsa leina la gagwe Imanuele.” Ka phetolo ke go re: “Modimo o na le rona.”