17/05/2026
SONTAGA SA BOSUPA SA PASEKA
Thuto Ya Ntlha | Ditiro 1: 12-14
Ya baa gona ba boelang kwa Jerusalema, ba tswa mo thabeng e e bidiwang ya Diolefa e e gaufi le Jerusalema, e bokgakala jwa yona e leng leeto la Sabata. Ya re ba sena go tsena, ba tlhatlogela kwa ntlwaneng e e kwa godimo, kwa ba ne ba nna teng, e b**g Petoro le Johane le Jakobo le Andrea le Filipo le Thomase le Baretolomeo le Matheo le Jakobo wa ga Alefeo le Simone-Selote le Juta wa ga Jakobo. Botlhe bao ba nnela ruri mo thapelong ka b**gwefela jwa pelo, ba na le basadi bangwe le Maria, mma Jesu, le bomonnaa Jesu.
Pesalema 27: 1, 4, 7-8
KE DUMELA GORE KE TLAA BONA MOLEMO WA MORENA MO LEFATSHENG LA BATSHEDI
Morena ke lesedi la me le poloko ya me;
ke tla boifa mang?
Morena ke botshabelo jwa botshelo jwa me;
ke tla tshoga mang?
KE DUMELA GORE KE TLAA BONA MOLEMO WA MORENA MO LEFATSHENG LA BATSHEDI
Selo se le sengwe se ke se kopileng mo go Morena,
se ke se eletsang ke go re, ke nne mo Ntlong ya Morena ka
metlha yotlhe ya bophelo jwa me,
go leba bontle jwa Morena
le go akanya mo Tempeleng ya gagwe.
KE DUMELA GORE KE TLAA BONA MOLEMO WA MORENA MO LEFATSHENG LA BATSHEDI
Utlwa, Morena, ke kua ka lentswe le legolo;
nkutlwele botlhoko, o nkarabe.
Pelo ya me e bolela lefoko la gago le le reng:
Batlang sefatlhego sa me.
KE DUMELA GORE KE TLAA BONA MOLEMO WA MORENA MO LEFATSHENG LA BATSHEDI
Thuto Ya Bobedi | 1 Petoro 4: 14-18
Baratiwa: Itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele. Lo sego, fa lo kgojwa ka ntlha ya leina la ga Keresete, ka Mowa wa kgalalelo wa Modimo o ntse mo go lona. Mo go bone le a kgalwa, mme mo go lona le a galalediwa. Kana go se ka ga nna ope wa lona yo o bogisiwang, e le mmolai gongwe legodu gongwe modira-bosula gongwe yo o itsenyang mo dilong tse di sa mo tshwanelang. Mme fa a bogisiwa, ka a le Mokeresete, a a se ka a tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya leina leo, mme a a galaletse.