25/07/2026
SONTAGA SA BO-17 MO NAKONG YA GALE
Thuto Ya Ntlha | 1 Dikgosi 3: 5, 7-12
Kwa Gibeone Morena a iponatsa mo go Salomo ka toro bosigo, mme Modimo wa re: “Ikopele sengwe mo go nna.”
Mme jaanong Morena, Modimo wa me, motlhanka wa gago o mo dirile kgosi mo boemong jwa ga Dafita rre. Mme nna ke lekawana fela. Ga ke ise ke itse go tswa le go tsena. E bile motlhanka wa gago o mo gare ga morafe wa gago o ò o itlhophetseng, e le morafe o mogolo o o sa ka keng wa balwa le e seng go kwalwa ka ntlha ya bontsi. Ka moo naya motlhanka wa gago pelo e e reetsang gore a itse go atlhola morafe wa gago le go farologanya tse di molemo le tse di bosula. Gonne ke mang yo o ka kgonang go busa morafe wa gago o o kanakana?”
Kopo eo e ne ya kgatlha Morena, fa Salomo a kopa se se ntseng jalo. Modimo wa mo raya wa re: “E re ka o kopile se se ntseng jaana, mme o sa ikopela bophelo jo boleele le e seng go ikopela khumo le e seng loso lwa baba ba gago, mme o ikopetse tlhaloganyo go ka utlwa ditsheko, ka moo ke dira ka fa mafokong a gago, ke go naya pelo e e botlhale e e tlhaloganyang. Ga go ise go ke go nne ope yo o tshwanang nao pele ga gago. Le gona ga go kitla go tsoga ope yo o tshwanang nao sehularong sa gago.
Pesalema 119: 57 & 72, 76-77, 127-128, 129-130
MOLAO WA GAGO, MORENA, KE O RATA THATA JANG
Morena ke kabelo ya me;
Ke rile, ke tla tlhokomela mafoko a gago.
Molao wa molomo wa gago,
Mo go nna o gaisa dikete tsa gouta le selefera.
MOLAO WA GAGO, MORENA, KE O RATA THATA JANG
Tswetswe a bopelontle jwa gago bo nkgomotse,
Ka fa o solofeditseng motlhanka wa gago ka teng.
A mautlwelo-botlhoko a gago a mpharafare gore ke phele
Gonne molao wa gago ke boitumelo jwa me.
MOLAO WA GAGO, MORENA, KE O RATA THATA JANG
Ke ka ntlha ya moo ke ratang ditaelo tsa gago go feta gouta
Le gouta e e sa pekwang.
Ke ka ntlha ya moo ke kayang ditaolo tsotlhe tsa gago tshiamo;
me ke tlhoile tsela nngwe le nngwe ya maaka.
MOLAO WA GAGO, MORENA, KE O RATA THATA JANG
Ditshupo tsa gago di a gakgamatsa;
Ke ka ntlha ya moo, fa mowa wa me o di boloka.
Tlhaloso ya mafoko a gago e a sedimosa,
E tlhalefisa ba ba se nang kitso.
MOLAO WA GAGO, MORENA, KE O RATA THATA JANG
Thuto Ya Bobedi | Baroma 8: 28-30
Bakaulengwe: Re itse gore bone ba ba ratang Modimo, dilo tsotlhe di dira mmogo go ba tsalela molemo, e b**g bone ba ba biditsweng ka fa boikaelelong jwa Modimo. Gonne ba o ba itsileng pele, o ba tlhaotse pele gore ba tshwane le popego ya Morwaa-ona, a tle a nne motsalwapele mo baneng ba le bantsi. Mme ba o ba tlhaotseng pele, e bile o ba biditse; ba o ba biditseng, e bile o ba siamisitse; ba o ba siamisitseng, e bile o ba galaleditse.
Alleluya | 1 Samuele 3:9 ; Johane 6:68b
Alleluya, alleluya. Bua, Morena, gonne motlhanka wa gago o reeditse; O na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng. Alleluya.
Efangele | Matheo 13: 44-52
Mo motlheng oo, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re:
“Gape, puso ya magodimo e tshwana le lohumo lo lo fitlhilweng mo tshimong lo motho o neng a lo bona, a ba a lo loba; mme ka go lo itumelela a ya a rekisa tsotlhe tse a nang natso, a reka tshimo eo.
“Gape, puso ya magodimo e tshwana le moreki yo o batlang diperela tse dintle. Ya re a sena go bona perela nngwe e e tlhwatlhwa e kgolo, a ya a rekisa tsotlhe tse a nang natso, a e reka.
“Gape, puso ya magodimo e tshwana le letloa le le digetsweng mo lewatleng, la gogoretsa mefuta yotlhe ya ditlhapi. Ya re le sena go tlala, ba le gogela kwa losing lwa lewatle; mme ba nna, ba tlhophela tse di siameng mo megopong, tse di sa jeweng ba di latlha. Go tla nna jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tla tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng. Ba tla ba latlhela mo molelong o mogolo; teng go tla nna selelo le phuranyo ya meno.
Tse dintšhwa le tse dikgologolo
“A lo tlhalogantse tsotlhe tseo?”
Ba mo araba ba re: “Ee.”
A ba raya a re: “Ka moo moitsedikwalo mongwe le mongwe yo o rutilweng tsa puso ya magodimo o tshwana le mong wa ntlo yo o ntshang tse dintšhwa le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.”
Efangele ya Morena.