12/07/2026
SEFELA 188
1. Ga ke a tshwanela, Morena Yesu /Gore 0 tle pedung ya me. / Fa 0 bua lefoko lengwe fela / Mowa wa me o tla fola. / Tsena, Yesu wa me; / Tsena, Yesu wa me, / Tsena, tsena, Yesu wa me.
2. Ga ke na go kgorisiwa lefatshing: / Dijo di tlhoka monate. / 0 nnesetse manna a a rudisang: / Mowa wa me o tla tshela / Tsena.........
3. Ka tlhologelelo 0 mpileditse / Kopanong ya barutwana, / Ntshwara ka dikgole tsa loratano, / Mmogo re ye legodimong.
4. Ga ke tshabe sepe ke na le wena, / Ke ikobele Modimo. / Tsatsi lengwe Rara o tla mpulela / Dikgoro tsa legodimo.